Luke 1

Diketapele

1
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 1:2.
2
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 1:1-2.
Go tsala e e ratang Modimo. Dipolelo tse dintsi kaga Keresete di setse di kwadilwe di dirisiwa ka maitshegeletso a tsone jaaka dipolelo mo go rona go tswa mo barutweng ba pele le ba bangwe ba ba di boneng ka matlho.

3Le fa go ntse jalo, go ne ga diragala mo go nna gore go ka siama fa nka boelela dipolelo tse gape go simolola ka palo ya ntlha go ya kwa go ya bofelo morago ga tlhotlhomiso tota ke be ke lo bolelela polelo e. 4Go lo tlhomamisetsa boammaaruri kaga se lo se rutilweng.

Moengele o iponatsa mo go Sakarea

5Polelo ya me e simologa ka Moperesiti wa Sejuta, ebong Sakarea yo o tshedileng ka lobaka lwa Herode e le kgosi ya Judea. Sakarea e ne e le leloko la batsamaisi ba Tempele ya ga Abija, (mosadi wa gagwe Elisabetha le ene o ne a tshwana le ene e le leloko la baperesiti ba morafe wa Sejuta, wa losika lwa ga Arone.)

6Sakarea le Elisabetha e ne e le batho ba ba boifang Modimo, ba tlhokometse go utlwa melao yotlhe ya Modimo mo moweng le mo lokwalong. 7Mme ba ne ba sena bana, gonne Elisabetha e ne e le moopa; mme ka bobedi jwa bone ba bo ba tsofetse thata.

8
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 1:9.
9
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 1:8-9.
Ka letsatsi lengwe ya re Sakarea a tsamaisa tiro ya gagwe mo Templeng, gonne lesomo la gagwe le ne le le mo tirong mo bekeng eo, tlotlego ya mo tlela ya go tsena mo felong ga Boitshepo go ya go fisa mashwalo fa Pele ga Modimo.
10Ka lobakanyana, bontsi jwa kokoano ya batho jwa emela kwa ntle ga Tempele, ba rapela jaaka ba tle ba dire fa mashwalo a fisiwa.

11
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 1:12.
12
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 1:11-12.
Sakarea o ne a le mo felong ga boitshepo fa ka tshoganetso Moengele a iponatsa mo go ene, a eme ka fa letsogong le legolo la sebeso sa ma-shwalo! Sakarea o ne a tshogile ebile a gamaregile.
13Mme moengele a mo raya a re, “Se boife, Sakarea! Gonne ke tletse go go bolelela gore Modimo o utlwile thapelo ya gago le mosadi wa gago Elisabetha o tlaa tshola ngwana wa mosimane! Mme o tlaa mo raya leina o re Johane. 14Ka bobedi jwa lona lo tlaa nna le boipelo jo bogolo le boitumelo ka botsalo jwa gagwe, mme ba le bantsi ba tla ipela le lona. 15Gonne e tlaa nna mongwe wa batho ba bagolo ba Morena. A se ka a nwa mofine kgotsa seno se se tagisang-gonne o sa le a tladitswe ka Mowa o o Boitshepo, le e leng pele ga a tsalwa! 16Mme o tlaa tlhotlheletsa Bajuta ba le bantsi go sokologela mo go Morena Modimo wa gagwe. 17E tlaa nna motho yo o mowa o makgawekgawe a nonofile jaaka Elija, moporofiti yo mogolo; mme o tlaa etelela pele go tla ga ga Mesia, a baakanyetsa batho go goroga ga gagwe. O tlaa ba ruta go rata Morena fela jaaka bagolwane ba bone ba ne ba dira, le go tshela jaaka batho ba ba boifang Mo-dimo.”

18Hong Sakarea a raya moengele a re, “Mme mo ga go kgonege! Ke setse ke le monna mogolo jaanong, le mosadi wa me le ene o tsofetse.”

19Hong moengele a mo raya a re, “Ke Gabariele ke eme sentle fa pele ga Modimo. Ke one o o ntho-mileng kwa go wena ka mafoko a a molemo a! 20Mme jaanong, ka gore ga o a ka wa ntumela, o tlaa dirwa semumu, o tlaa palelwa ke go bua go fitlhelela ngwana a tsholwa. Gonne mafoko a me a tlaa diragala ka nako e e leng yone.”

21Ka lobakanyana kokoano ya batho kwa ntle ba bo ba letile Sakarea go boa, ebile ba gakgametse gore ke eng fa a diegile. 22Ya re a tswa a bo a palelwa, ke go bua nabo, jalo ba lemoga fa a bonye ponatshegelo mo tempeleng. Ene a nna a ba gwetlha fela a ntse.

23Hong a nna mo Tempeleng selekanyo sa malatsi a a setseng a tiro ya gagwe ya Tempele mme morago a boela gae. 24Ka bonako morago ga lobaka Elisabetha mosadi wa gagwe a ithwala a nna a le nosi selekanyo sa kgwedi tse tlhano.

25“A goa” a re, “Morena o pelotlhomogi mo go kae, go ntsha tlotlologo ya me ya go tlhoka bana!”

Molaetsa ka go tsalwa ga ga Jesu

26Kgwedi e e latelang Modimo wa roma moengele Gabariele kwa Nasaretha, motse wa Galalea, 27kwa kgarebaneng, Marea, yo o neng a beeletswe go nyalwa ke monna yo o neng a bidiwa Josefe, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide.

28Gabariele a iponatsa mo go ene a re, “A go nne boitumelo kgarebane e e rategang! Morena o na le wena!”

29Marea o ne a tshwenyegile thata fa a leka go akanya se moengele a ka neng a se raya.

30Moengele a mo raya a re, “Se tshoge Marea, gonne Modimo o thata. 31Ka bonako jaanong o tlaa ithwala mme o tlaa nna le ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re ‘Jesu’ 32O tlaa nna mogolo thata mme o tlaa bidiwa Morwa Modimo. Mme Morena Modimo o tlaa mo naya setilo sa bogosi sa mogolwagolwane wa gagwe Dafide. 33O tlaa busa mo Iseraela ka bosakhutleng, Bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo fela!”

34Mme Marea a botsa moengele a re, “Ke ka nna jang le ngwana? ke le kgarebane.”

35Moengele a mo fetola a re, “Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Modimo e tlaa go apesa, jalo ngwana yo o tlaa mo tsholang o tlaa ba a le boitshepo e le Morwa Modimo. 36Mo godimo ga moo, Elisabetha ntsalao wa ‘moopa’ jaaka a bidiwa-o setse a na le dikgwedi di le thataro a ithwele mo botsofeng ja gagwe! 37Gonne tsholofetso nngwe le nngwe e e tswang mo Modimong e tlaa diragala.”

38Mme Marea a re, “Ke motlhanka wa Morena e bile ke batla go dira sengwe le sengwe se o se batlang. A sengwe le sengwe se o se buileng se diragale.” Hong moengele a nyelela.

Marea o etela Elisabetha

39
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 1:40.
40
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 1:39-40.
Morago ga malatsi a se kae Marea a itlhaganelela kwa makhubung a Judea kwa motseng o Sakarea o neng a nna mo go one, go etela Elisabetha.
41Mme ya re Elisabetha a utlwa tumediso ya ga Marea, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe mme Elisabetha a tlala Mowa o o Boitshepo.

42A tshega ka boitumelo a raya Marea a re, “o ratilwe ke Modimo mo basading botlhe, le ngwana, wa gago, o tlhologeletswe kgalalelo ya Modimo e kgolo. 43Ana ke tlotlo e kgolo thata jang, e Mma-Morena wa me o nketetseng ka yone! 44Erile fa ke utlwa lentswe la gago ka nako e o neng o ntumedisa ka yone, ngwana a tlola mo sebopelong sa me ka boitumelo! 45O dumetse gore Modimo o tlaa dira se o se buileng; ke ka moo o go neileng letlhogonolo le le gakgamatsang le.”

Pako ya ga Marea

46Marea a fetola a re, “Ao, ke galaletsa Morena jang. 47Ke itumela jang mo Modimong Mmoloki! 48Gonne o tlhokometse motlhanka wa one wa morweetsana, le jaanong kokomana morago ga kokomana go ya bosakhutleng ba tlaa mpitsa mosegofadiwa wa Modimo.

49“Gonne ene yo mogolo yo o boitshepo, o ntiretse dilo tse dikgolo. 50Boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo tsamaya go tsweng kokomaneng go ya kokomaneng, mo go botlhe ba ba o boifang:

51“Nonofo ya letsogo la gagwe e kgolo jang! O faladitse baikgantshi le ba ba ikgodisang. 52O digile dikgosi tse di kgolo mo ditilong tsa tsone tsa bogosi mme o godisitse ba ba ingotlileng. 53O kgorisitse dipelo tse di bolailweng ke tlala mme o busitse bahumi ba sa tsaya sepe. 54Ebile o thusitse motlhanka wa gagwe Iseraele jang! Ga a ka a lebala tsholofetso ya kutlwelo-botlhoko.

55“Gonne o solofeditse bo rraarona-Aberahame le bana ba gagwe go nna kutlwelo-botlhoko mo go bone go ya bosakhutleng.”

56Marea a nna le Elisabetha selekanyo sa dikgwedi tse tharo mme a boela kwa legaeng la gagwe.

Go tsalwa ga ga Johane wa mokolobetsi

57Ka nako e, tebelelo ya ga Elisabetha e ne e setse e wetse, ka gore lobaka lo ne lo setse lo fitlhile lwa ngwana gore a tsholwe mme ya bo e le mosimane.

58Mme lefoko la anamela ka bonako kwa go bangwe ka ene le ba losika gore Morena o mo diretse molemo go le kae, mme mongwe le mongwe a itumela.

59E rile fa ngwana a na le malatsi a fera bobedi botlhe ba losika le ditsala ba tla modirong wa thupiso. Botlhe ba ne ba ithaya ba re leina la ngwana e tlaa nna Sakarea, a reelelwa rraagwe. 60Mme Elisabetha a re, “Nnyaa! O tshwanetse go bidiwa Johane!”

61Mme ba gakgamala ba re, “Wa reng? Ga go na ope mo go ba gaeno wa leina leo.” 62Jalo ba botsa rangwana, ba bua le ene ka diatla.

63Mme a kopa pampiri e e kwalelang mme mo kgakgamalong ya mongwe le mongwe a kwala a re, “Leina la gagwe ke Johane!”

64Ka bonako Sakarea a kgona go bua gape, mme a simolola go baka Modimo.

65Kgakgamalo ya wela botlhe ba ba agileng gaufi, mme mafoko a se se diregileng a anama le dithota tsa Judea. 66Mme batho botlhe ba ba utlwileng kaga gone, ba akanya ka boleele ba ipotsa ba re, “Re a gakgamala gore ngwana yo o tsile go nna eng? Gonne letsogo la Morena ruri le mo okame ka mokgwa mongwe wa botlhokwa.” 67Hong rraagwe ebong Sakarea a tlala Mowa o o Boitshepo mme a ntsha polelopele e e reng:

68Bakang Modimo, Morena wa Iseraele gonne o tsile go etela batho ba gagwe mme o ba golotse. 69O re romeletse Mmoloki yo o senatla a tswa mo losikeng lwa motlhanka wa gagwe Dafide, 70fela jaaka a solofeditse ka baporofiti ba gagwe ba ba boitshepo mo lobakeng lo lo fetileng 71gore o tlaa re romelela mongwe yo o tlaa re gololang mo babeng ba rona, le mo go botlhe ba ba re ilang.

72
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 1:73.
73
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 1:72-73.
“O na a le kutlwelobotlhoko mo bagolwaneng ba rona, ee, mo go Aberahame ka bo ene, ka go gakologelwa tsholofetso ya gagwe e e boitshepo mo go ene,
74le go re naya tshwanelo ya go direla Modimo kwa ntle ga poifo, re golotswe mo babeng ba rona. 75Le go re dira boitshepo le go amogelesega, re siametse go ema fa pele ga one ka bosakhutleng.

76“Mme wena morwaaka yo mmotlana, o tlaa bidiwa moporofiti wa Modimo o o galalelang, gonne o tlaa baakanya ditsela tsa ga Mesia. 77O tlaa bolelela batho ba one ka fa ba ka bonang poloko ka teng ka boitshwarelo jwa dibe. 78Gotlhe mo go tlaa nna ka ntlha ya gore boutlwelo-botlhoko jwa Modimo wa rona bo bonolo thata, e bile bosa jwa legodimo bo tlaa re sela. 79Go bonesetsa ba ba ntseng mo lefifing la moruti wa loso, le go re goga mo tseleng ya kagiso.”

80Mme e rile ngwana a sena go gola a rata Modimo thata. A nna kwa ntle mo sekakeng a le esi go fitlhelela a simolola thuto ya gagwe mo Iseraele.
Copyright information for TsnLEF